text
stringlengths
565
8.03k
label
int64
0
9
Melao yotlhe e e amang ditagi mo lefatsheng leno e tsile go baakanngwa gore botlhe ba ba gwebang ka tsone le go di dirisa botlhaswa ba di game ba sa ditlhapela. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe kwa thuto puisanyong ya letsatsi, e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya ...
9
Molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o kgothaditse badiri ba ba okametsweng ke ofisi ya gagwe mo lephateng la merero ya ofisi ya ga tautona, tsamaiso puso le bodiredi go bereka ka natla ba le seopo sengwe ka nako tsotlhe go ntsha maduo a a kgotsofatsang setshaba se ba se direlang. Molaodi o buile jaana bosheng mo ...
7
Batswana ba tsweletse pele ka go tokofatsa matshelo le go leka go nyeletsa lehuma le ba tshelelang mo go lone ka go itirela ka diatla. Mme Hellen Moagele o supile fa a sa ntse a ikgaratlhela ka dithuso tse a di filweng ke ba FAP. Mme Moagele o tswa kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. O supile fa a ne a ya sekolong s...
3
Kgosi Opelo Ntshwarelang wa motse wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore e re jaaka ngwaga o simolola jaana banana ba itshekatsheke gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba tse ba tla di salang morago. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa bontsi jwa banana ba lebanwe ke kgwetl...
4
Go rera lefoko la Modimo go rotloetsa kagisano le go tsisa masego le matlhogonolo mo matshelong a batho. Kgosi Ketlhapie Kedikilwe wa kgotla ya Maokatumo yo gape e leng modumedi fa a bua mo potsolosong a re go tshela ka kagisano mo malapeng go botlhokwa fela thata. A re dikgosi tsa dikgotla tsa Setswana gantsi ba tsher...
8
Tshegofatso Ndlovu, yo o nang le ngwaga, ke mosetsanyana yoo tshelang ka bolwetse jwa go gola ga tlhogo mo go sa twaelesegang (Hydrocephalus). E ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong mabenkele a Eureka,Trident,Welcome Cash and Carry,DailyNeeds le Pick&Pay ba kopana go thusa gore Tshegofatso a ye go dira learo, mme ba ne ba d...
6
Go ikgatholosa go bala mo go atileng mo Batswaneng go digetse batho ba le bantsi ka lemena. Go tlhalositse jalo Mme Motshidisi Makhurutha, morulaganyi wa mokgatlho wa Botswana Society for the Arts, mo dithutong puisanong tse di neng di tshwaretswe kwa ntlong ya ditso kwa Maun bosheng. A re se se ngomolang pelo le go fe...
4
Ba kereke ya Ebenezer Christian Church of Zion bosheng ba ne ba kokoana kwa diofising tsa lephata la dipasa, mesepele le boagedi mo Bobonong go tshwara merapelo e maikaelelo a yone e leng go rapelela bolwetse jwa AIDS. Fa a bua kwa merapelong, Arch Bishop Ookeditse Setlhantsweng o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le...
8
Kgosi Neo Letlhare wa Lejwana o akgotse mogokaganya ditiro tsa ofisi ya ba-na-le bogole kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa, go bo a abetse sekole se sebotlana sa Lejwana diaparo tsa sekole tsa mariga. E rile a amogela dilwana tse bosheng, Kgosi Letlhare a tlhalosa fa Rre Motingwa a dirile tiro gonne makgwe ...
9
Banni ba Dibete ba kgothaditswe go tsaya dithuto tsa lenaneo le le rudisang itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ka tlhwaafalo. Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, kwa thuto puisanong ka lenaneo la ESP le go tlhama ditiro kwa Dibete k...
4
Banni ba Shakawe mo kgaolong potlana ya Okavango ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go emisa go kgaogana ka dikgotlana fa go ketekwa moletlo wa boipuso go itsa kgaogano ya morafe mo motseng wa bone. Kgosi Kea Lempadi o boletse mo phuthegong ya kgotla ya go baakanyetsa moletlo wa boipuso bosheng gore thulaganyo e e nts...
7
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motopi a re o tshwenngwa thata ke gore badirelapuso ga ba kgone go bereka ba tshwaraganye le boeteledipele jwa motse. Mme Baemedi Makgetho o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bokone Rre Slumber Tsogwan...
7
Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o gwetlhile baeteledipele ba Lokgwabe le Tshane go tsibosa morafe ka seemo sa tshoganyetso ka jaana ditirelo di le dintsi di tlaa amega. O buile jalo kwa bokopanong le baeteledipele ba metse eo bosheng. O ne a ba gwetlha go rutuntsha banni ba metse ya bone ka go ...
7
Bogosi jwa motse wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng ga bo itumedisiwe ke go tlhoka go tsena phuthego tsa kgotla ke banni. Fa a bua mo puisanong bosheng, mothusa kgosi wa motse oo, Rre Maganelo Mmipi a re ka Setswana kgotla ke lefelo le le nang le seriti mme kwa Metsimotlhabe ga e tsewe ka tlhwaafalo. Mothusa kgosi...
7
E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse. A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela b...
3
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o kgothaditse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepha go dirisa madi a ba a gapileng mo dikgaisanyong go reka di dirisiwa tse di phepafatsang. O buile se, fa a ne a abela metse ya Moreomabele, Gojwane, Serule le Topisi dimpho ka go late...
5
Boeteledipele jwa mokgatlho wa Kgatleng Business Council bo kgala thekiso ya ditsha tsa kgwebo, bonno le ditshimo mo go diragalang mo kgaolong. Ba buile jaana mo bokopanong jwa go lekodisana le go buisana ka kabo ya madi a setshaba ya 2019/2020 bosheng. E rile a akgela mongwe wa basimolodi ba mokgatlho oo, Mme Oreedits...
3
Batsadi kwa Poloka mo kgaolong ya Shoshong ba kgothaditswe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana gore ba kgone go bona maduo a a itumedisang. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a a itumedisang a lekwalo la bosupa a ngogola, mokwaledi mogolo wa ga tautona, Brigadier George Tlhalerwa a re ope fela ...
4
Maloko a diphathi tse di itshwaragantseng go emela ditlhopho a Umbrella for Democratic Change (UDC) ba gakolotswe go tsaya tlhopho ka tlhoafalo ba e dirisa go dira diphetogo mo matshelong a bone. Kgakololo eo e dirilwe ke mothusa moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress (BCP), Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegon...
7
E re le ntswa puso e dule ka mananeo a a fetang dithapo tsa leselo go ka thusa go ntsha Motswana mo lehumeng, go lebega go santse go na le Batswana bangwe ba ba intshitseng bo atlhama ke go jese ba sa ikemele ka dinao go ka dirisa mananeo ao, go tila manokoko a lehuma. Se se kgadilwe ke banni ba Lobatse mo bokopanong l...
9
Lekgotla le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho la IEC le beile letsatsi la Phalane a le lesome le borobabobedi go nna lone la ditlhopho tse di tla tshwarwang pele ga nako. Mo potsolotsong le bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla leo la IEC, Rre Osupile Maroba, o boletse fa Batswana ba berekelang kwa ntle ga lefat...
7
Mothusa mookaela mapodisi a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo le le tsewang mo masakeng bosigo, jo a reng ga bo a tlwaelesega mo kagolong. Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Assistant Superintendent Ikobeng a re magodu a simolotse mokgwa wa go tsenelela l...
1
Leloko la khuduthamaga ya lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Kanye, Mme Maduo Osupeng o kopile banni ba Lotlhakane East go kwadisa ditsha tsa bone gore ba di sireletse le go nna le ditlankana. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, Mme Osupeng oo boletse fa go na le ditsha di le 1 103 mo motseng o tse di sa kwadisiwan...
9
Banni ba motsana wa Ghabamocha gaufi le Shorobe kwa Bokone Bophirima ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo ba reng bo golela pele mo kgaolong ya bone. Banni ba tlhaloseditse mopalamente wa Maun Bophirima Rre Goretetse Kekgonegile ka Labobedi fa a ile go lekola motsana wa bone, fa ba setse ba dule bahum...
1
Go botlhokwa gore jaaka Batswana ba gorogile kwa ngwageng wa 2016 ba ipelele matshego a ponelopele le go sekaseka gore ba e kgonne go le kae. Ka jalo, banni ba Lobatse e ne ya re ka bosheng ba bo ba kgobokane kwa kgotleng ya Peleng go ipelela lengwe la matshego a ponelopele ya 2016 ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko...
9
Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale. A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso. O buile ja...
7
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go dira le ene sentle mo ngwageng tse di lesome tse ba neng ba di mo romile kwa palamenteng. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi, Mme Tshireletso o boletse fa go tshwanela gore a ba leboge ka ba mo tlhop...
7
Ba kgotla ya Lotsane kwa Palapye ba akgoletswe maiteko a go dira tshingwana ya merogo go lwantsha kgwetlho ya go tlhoka botsogo jwa batho mo nakong ya gompieno. Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya bosheng kwa kgotleng ya bone fa a ile go ba lekola a le mo loetong la kgaolo ya gagwe ya botlhophi...
7
Motshwarelela mothusa mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr Pharoah Mosupi, o kopile balemi ba kgaolo -potlana ya Tutume go dirisa mananeo a puso go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong. Dr Mosupi o ntshitse kopo eo ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume tse di neng di tshwerwe kwa Tutume ka Matlhatso (P...
9
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba lebogile puso ka ditlhabologo tse di dirilweng mo dikgaolong tsa bone ka go farologana. Ba buile se jaaka fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Rre Peter Williams ka Labobedi kwa Serowe. Mokhanselara wa Nshakashogwe Rre Anthony Chebane o ne a lebogela ditlhabolo...
7
Mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o kgothaditse Batswana go aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo go thusa go boloka matshelo. Mothusa tona o buile jaana Seetebosigo a tlhola gangwe kwa Maun fa a ne a bula semmuso ntlwana e e tlaa bong e dirisiwa go aba madi a mmele. A r...
6
Marekisetso a Choppies la Wayside kwa Lobatse a abetse malwapa a le masome a matlhano dijo tse di lopileng dikete tsa di Pula di le lesome le bongwe. Se se tla morago ga gore pula le phefo di rutlomolole matlo mangwe bosheng. Fa a bega dijo tseo kwa kgotleng ya Digawana, moemedi wa Choppies, Rre Tshepiso Rammurwana o n...
9
E re le ntswa Sojwe e le mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo, go lemotshega fa mananeo a puso a namolo lehuma a goroga sentle kwa go one. Se se tlhalositswe ke mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, yo o okametseng kgaolo ya Kweneng bophirima le botlhaba, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe. A re kwa Sojwe go setse go tserwe ...
3
Mookamedi wa tsa theko le thekiso ya dijo kwa kgaolong ya legare, Mme Barulaganye Lebutswe a re balemi ba tshwanetse go tsaya temo-thuo jaaka kgwebo. O buile jaana fa a ne a buisa balemi ba kgaolo ya legare kwa Serowe bosheng kwa letsatsing la thekiso la balemi barui. Mme Lebutswe a re balemi barui ba tshwanetse go its...
3
Mogolwane mo lephateng la temo Rre Mmoloki Khukhutha o rotloeditse balemi ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go tsaya temo ka tlhoafalo ka jaana temo e le teemane ya botshelo. O buile se jaaka a ne a bula ditshupo tsa temo kwa Letlhakeng bosheng. Rre Khukhutha a re temo ke yone konokono mo go jeseng lefatshe la Botswana l...
3
Baithuti ba sekolo sa Boitekanelo, ba ba neng ba le mo ithutuntshong kwa Masunga ba sa tswa go araba pitso ya Tautona wa lefatshe leno ya gore Batswana ba emane nokeng tebang le go lwantsha lehuma. Baithuti bao ba supile seabe sa bone kgwedi eno e le lesome le borataro jaaka ba ne ba rolela mme mongwe wa motlhoki wa Ma...
4
Ralekgotla wa Ntomalome kwa Molapowabojang, Rre Bushi Ndaba, a re tshwaragano e ka tsisa ditlhabololo mo setshabeng. Rre Ndaba o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya kereke ya King Solomon Evangelical ka Matlhatso. Kereke eo e ne ya abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng dijo le melora. Rre Ndaba a re setshaba se t...
9
E rile bosheng maloko a setlhopha sa mmino wa setso sa Tselakgopo, go tswa kwa Serowe ba bolotsa letsholo la go rotloetsa baratani go dirisana le motho a le mongwe ka go na le maduo a a nametsang go fema go tshabelelwa ke kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo. Go tlhomamisitse jalo molomaganya ditiro wa setlhopha, Rre...
0
Ngaka ya dijo kwakokelong ya Tsabong, Dr Moseja Dibotelo o rotloeditse badiri ba lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong go ja dijo tse di siametseng mebele ka se se ka thusa mo go tsheleng ba itekanetse ka dinako tsotlhe. O ne a bua kwa letsatsing la botsogo le boitekanelo le le neng le rulagantswe ke ba le...
6
Batlholagadi ba tshwentswe ke go kgaphelwa ntle mo ditirong tsa Setswana, bogolo thata mo mererong ya lenyalo. Mme Vivian Masibe o buile jalo mo phuthegong ya bomme bosheng mo kgotleng kwa Kanye gore go le gantsi fa rre a sena go hulara, mme o tsena mo kalafing ya lobaka lwa ngwaga. A re fa mme a sena go apola o bolele...
9
Modulasetilo wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Lentswe Mosanako, o akgotse babereki ba khansele potlana eo go dira tiro ka manontlhotlho. O buile jalo kwa moletlong wa go abela babereki dikgele ka go ba leboga ka fa ba berekang ka teng mo Moshupa. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya bonno jwa babereki ka ba bangwe ...
7
Bomme, ba khamphani ya Azit Still ater ba tlhalositse fa thulaganyo ya nyeletso lehuma ya go tlhatswa metsi ba bo ba a rekisetsa sehaba e tsamaya sentle. Mo potsolosong, Mogolwane wa Azit Still Water, Mme Onkokame Podisi o tlhalositse fa kgwebo e, e simologile ka 2015, ba thusiwa ke ofisi ya nyeletso lehuma kJwaneng. O...
3
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye, Rre Seetleetso Moroka, o kopile batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana. Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, Rre Moroka o tlhalositse gore baithuti ba ka ntsha maduo a a nametsang mo thutong fa batsadi ba kgatlhegela dibuka tsa bana ba bone ka go sala morag...
4
Banni ba Poloka ba kopilwe go nonotsha isago ya bana ka go tsenya letsogo mo go utlwalang mo thutong le kgodiso ya bone. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re batsadi ba tshwanetse go kaela bana tsela ya boammaaruri gore ba itshware ka mokgwa o o letlelesegang mo setshabeng. O buile jaana mo phuthegong ...
9
Banni ba Modipane mo kgaolong ya Kgatleng ba tshwaragane le namane e tona ya go aga leobo la kgotla ya motse wa bone. Mo puisanong bosheng, Kgosi Ishmael Mokalake, o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2014, banni ba Modipane ba ne ba dumelana gore ba ikagele leobo la kgotla go fa kgotla eo seriti. Kgosi o ne a tlhalosa gore ...
9
Lephata la thuto le tlhabololo dikitso le lemoga seabe sa dikole tsa ithutelo ditiro mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse setshaba se kopanang le tsone. E rile a bua mo phuthegong e e itebagantseng le boeteledipele jwa baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro bosheng, mothusa tona wa lephata leo, Rre Keletso Rakhudu a tl...
4
E ne
ya re bosheng ba ofisi ya ga Tautona ba e leng batlhatlheledi ba dithuto tse di
ka ntshang maduo mo tirong ba tshwara dithuto puisano le badiri ba lephata la 
dikitsiso le kgaso maikaelelo e le go ba ruta ka botlhokwa jwa go itse go
 dirisana sentle le badiri ka bone ga mmogo le setshaba. Thutopuisano eo e ne e
ts...
4
Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se se botlana sa Gobuamang Memorial kwa Thamaga ba rotloeditswe go itshwara ka botho jo bo letlelesegang fa ba aloga ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane. E rile fa a gakolola baithuti, morutabana wa tsa bogakolodi wa sekole se segolwane sa Thamaga Rre Boitumelo Keinyatse a tlhalosa...
4
E re ntswa dikgwebo tsa banana di tshabelelwa ke go phutlhama, Mme Kgomotsego Chimhandamba ene o kgonne go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna mmadikgwebo le ntswa dikgwetlho di ne di mo farafarile. Mme Chimhandamba, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, wa Palapye, o ne a eleditse go nna mooki fa a gola, ka m...
3
E rile bosheng The Village Church kwa Maun ya abela bagodi ba le masome a matlhano le botlhano dijo, dilo tse di tlhapang le go ba direla dijo tsa keresemose. Fa a bua kwa moletlong o o tshwarwang ngwaga le ngwaga, Moruti Gary Pelotshweu a re dimpho tseo di tswa kwa malokong a kereke eo go supa lerato la Modimo. A re k...
9
Kgosi wa kgotlana ya Molosiwa mo Mosweu, Rre Commet Baitlhapi o kgadile mokgwa wa banni ba motse oo wa go sa tseyeng mananeo a nyeletso lehuma ka tlhoafalo. Rre Baitlhapi o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng fa a lemogile fa bontsi jwa banni ba tsaya mananeo a ba ise ba ithulaganye gore ba batla go dira eng le gor...
9
Mothusa Kgosi ya Peleng, Tshegofatso Setumo, o lebogetse bodiredi kwa ofising e e tlhokometseng dithoto le makgetho, lephata la tupo ya ditswammung le la dikitsiso mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa moletlong wa go abela Mme Sheila Kholombo le ba lelwapa la gagwe setofo sa kese, dijo le dip...
9
Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri o kopile banni ba toropo eo go nna le seabe mo go ipaakanyetseng letsatsi la boipuso la monongwaga. O ba kgothaditse le go tlhagola tsela ya go ipelela jwa 2016 jo lefatshe leno le tlaa bong le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa. E rile a afa t...
9
Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa. Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisa...
1
Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Lucas Kgosiemang, o tlhalositse fa go lebega diji di tlaa dika di apesitse balemi ba kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba. E rile a bua mo puisanong, Rre Kgosiemang a tlhalosa fa ba utlwaletse thaga ya molomo mo masimong a Salajwe,Takatokwane le Moshaweng mme ka lesego di fud...
9
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, e bile e le mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse o kgothaditse batsadi go adima banana lefatshe gore ba tsene mo temo-thuong, e le maiteko a go itlhamela dikgwebo le go tlhamela ba bangwe mebereko. Rre Autlwetse o buile jaana fa a buisa ba...
3
Go tlhalositswe fa go ima ga banana, go nna le bakapelo ba bantsi, go inyadisa, go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi e le ditiro dingwe tse di tshwenyang mo toropong ya Jwaneng. E rile a bua bosheng mo phuthegong e bagolo le baeteledipele ba toropo eo ba neng ba biditse banana kwa kgotleng ya Raphalane go ...
6
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe ya Nyorosi Botlhaba go dirisa lenaneo la LG 1109, la madi a P10 million go tlhabolola kgaolo ya bone ka botswapelo. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Kanye ko kgotlaneng ya Nyorosi botlhaba bosheng. O ne a lekodisa kg...
9
Lorato le Mme Selina Mafela le Mme Kerileng Keletso ba nang nalo mo tirong ya bone ya diatla, lo feta dikgwetlho tse ba di ralalang. Bobedi jo, go tswa kwa Mathathane, bo ikaegile ka go loga ditlatlana, selo se ba sa leng ba se thaile go tswa bonyaneng. Mme Mafela, 77 le Mme Keletso, 62 ba santse ba tshwere ka natla le...
0
Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe, Rre Prince Maele o rotloeditse maloko a kereke ya Tree of Calvary Apostolic go nna sekao mo dikerekeng tse dingwe mo tirong ya go direla Modimo. Fa a bua kwa bokopanong jwa malatsi a paseka jwa kereke eo kwa Gootau bosheng, Rre Maele a re maloko a kere...
8
Mo ditsamaisong tsa batsoga pele, gone gole thona go tsaya tsela e ba bangwe ba neng ba sae tsamae mme e bile Kgosi ene ele molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Setswana se se reng “Lefoko la kgosi le agelwa mosako” sene se sa mpampediwe. Boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisanyo mmogo le lerato mo bathong ba ...
6
E rile bosheng mapodisi kwa Selebi Phikwe a bo a ipelela katlego ya go dira ka natla. Fa a amogela baeng mo moletlong oo, Superintendent Victor Nlebesi o tlhalositse gore go simolola ka 2011 ba ntse ba amogela ditlankana di le mmalwa tse di supang fa ba dira ka natla mo tirong ya bone ya sepodisi mo kgaolong ya Legare....
1
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o kopile beng ba diterekere go tlhama lekgotla le ba tlaa le dirisang go kopa dithuso mo mmusong le go itshimololela dikgwebo di tshwana koporase ya lookwane la dikoloi le thekiso ya didirisiwa tsa temo jaaka megoma le dipolantara. Mme Tshireletso yo e bileng...
8
Lekalana la Legal Aid Botswana le le thusang Batswana ba ba kobo dikhutswane ka dikgang tsa semolao le atametsa dithuso tsa lone mo merafeng ka go farologana E rile a buisa phuthegong ya kgotla kwa Maun, mogolwane wa lekana leo, Mme Kagiso Marumo a tlhalosa fa le tlhamilwe ka 2011 ka maikaelelo a go thusa ba ba kobo di...
9
Setlhopha sa bodiragatsi sa Tsedikgolo House Of Theatre go tswa kwa Mmankgodi se tsweletse ka letsholo la bone la go tsamaya le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng ga mmogo le ditlamelo tsa Motor Vehicle Fund (MVA). Fa a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga motshameko kwa motseng wa Moshaweng, moeteledipele wa setlhoph...
0
Lelwapa loora Race kwa Tonota, le le neng la makatsa ba le bantsi fa le segofadiwa ka mawelana a barwa a le bane bosheng, ba re ba lebogela kemo nokeng e ba tsweletseng go e fiwa ke puso le setshaba ka kakaretso. Mafoko a malebo a builwe ke mmaagwe motsetsi, Mme Ledoba Race. Mme Pego Race o ba belegetse bana bao kwa ko...
9
Balemi-barui ba masimo a a kwa Serowe botlhaba ba mo therisanong le puso, morago ga gore moalo o o dirilweng ke ba lekgotla la kabo ditsha o supe fa masimo a le 153 a ya go amiwa ke kgolo ya moepo wa magala wa Morupule. E rile a ba rolela ka ditsamaiso mo phuthegong ka Labotlhano, mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la ...
7
Banni ba Somelo mo kgaolong ya Nhabe ba kopilwe go nna ba bua boammaaruri ka dinako tsotlhe fa bana le baeng, segolo jang matona le bathusi ba bone gore mathata a bone a kgone go rarabololwa sentle. Seo se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla...
9
lick to see more pictures Mothusa tautona o roletse sekole se sebotlana sa Central kwa Palapye dimpho tsa boranyane jwa madi a a ka tshwarang P260 000 go tswa kwa khamphaning ya CSA. E rile a bua kwa moletlong oo, Dr Ponatshego Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa Mmadinare, a tlhalosa fa a tsweletse ka go kgobakgob...
4
Maloko a dikereke tse tharo tsa semowa mo kgaolong ya borwa a ka thusa go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba bogolo jang jwa leruo. Go buile jalo kgosi ya Molapowabojang, Kgosi Kedirile Letshabo, kwa merapelong ya go rapedisa morafe wa Mosamowakwena fa a amogela dikereke tseo mo kgotle...
8
Babereki ba lekalana la Central Workshop go tswa kwa moepong wa diteemane kwa Orapa ba ithaopetse go tlhokomela baithuti ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Motsumi kwa Letlhakane. Maitlamo a a tserwe ngogola ke setlhopha sa borre le bomme ba le masome a mabedi le botlhano ba sena go dumalana ka moono wa go bona gor...
9
Malwapa a le 12 526 mo metseng e le 29 kwa kgaolong potlana ya Mahalapye a setse a sekasekilwe ke ba boipelego. Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o tlhaloseditse BOPA gore mo malwapeng a 12 526, go kwadisitswe a le 10 952 gore ke one a tlaa abelwang dijo mo nakong eno ya kiletso ...
9
Banni Ngware le Botlhapatlou mo kgaolong ya Kweneng ba lela ka seemo se se maswe sa tsela e e lomaganyang metse ya bone segolo jang ka dinako tsa dipula. E rile banni ba metse eo ba buwa mo diphuthegong tsa kgotla di buiisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona,Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa metseng eo ...
2
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Etsha 13, Rre Isiah Njavera a re o tshwentswe ke dikgwetlho tse a lebanyeng natso jaaka moeteledi pele wa sekolo. O buile jaana mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo kgotleng ke mokhanselara wa Etsha 13/ Jao, Rre Dikoro Ngunga, fa a lekodisa morafe ka dikgang tse di builweng kwa khansel...
4
Batlhophisi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ba kopilwe go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo, ba setse melao ya tlhopho morago. Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo le mokwaledi wa khansele ya kgaolo Rre Charles Amos, ba ntshitse kopo eo mo ithutuntshong e neng e rulagantswe ke ba ofisi e e i...
7
Ba-na-le seabe ba kopilwe go ema ka dinao le go dira ka natla go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa di a atlega. Kopo e, e dirilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moses Chimbombi mo phuthegong ya babega dikgang bosheng. Modulasetilo o supile fa maikaelelo a bone e le gore ditshupo tsa kgao...
7
Ba Tshukudu Horticultural Farmers Association ba ikaelela go bula mmaraka wa maungo le merogo kwa Francistown gore bagwebi botlhe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgone go rekisa dithoto tsa bone teng. E rile a bua kwa ditshupong tsa temo thuo kwa Masunga bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Melton Bangale a bolel...
3
Go tsibogela mokgosi wa ga tautona a lefatshe leno wa go agela ba ba tlhokileng lesego matlo go tokafaditse matshelo a ba bantsi. Se se buile ke mookamela kgaolo ya legare wa lephata la dikitsiso Mme Masego Pilane fa a bula semmuso ntlo e e agetsweng Rre Lefoko Dibebe wa kgotla ya Moumo kwa Serowe bosheng. Mme Pilane o...
9
Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole a re ba dirile maiteko otlhe a go lemotsha Batswana ka botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho. Ka jalo a re go mo maruding a bone go ikwadisa go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o...
7
Mmueledi wa bana go tswa kwa lekgotleng la United Nations International Children’s Emergency Fund (UNICEF), Rre Peter Siele a re nako e tsile ya gore batsadi ba tseye tlhokomelo ya bana ba bone ka tlhoafalo go itsa go nna le bana ba go tweng ke bobashi le mathata a mangwe a a apereng bana. Rre Siele o buile jalo kwa ph...
4
Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o gwetlhile banana ba kgaolo eo go tsaya malebela mo matlhogotshweung. Rre Olopeng o buile jalo fa a ne a amogela molelo wa kgolagano ka Matlhatso. A re molelo wa kgolagano ke sekao sa gore fa o fetileng teng go sala go nna le maduo a ditso le ditlhabololo tse di tlaa salelan...
9
Dikgosana tsa tetlanyo mo kgaolong ya Nkange tsa re madi a dikatso a di a amogelang a mannye ebile a fitilwe ke tiro e ba e dirang. Ba ntshitse boikuelo jwa bone mo bokopanong jwa bone le Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Tutume ka Labotlhano. Ba boletse fa tiro e ntsi e dirwa ke bone ka batho ba feta ka...
7
Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi. Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela b...
6
Ba-na-le bogole ba tsweletse ka go itirela ka diatla. Mme Koketso Ntoka kwa Kanye ke mongwe wa ba ba sa eletseng go nna bophokojwe ba morago, ka jalo a simolotse kgwebo go tshetsang. Ka menwana e le metlhano fela ya letsogo la moja o dira bokgabane le bonokopila go itshetsa, a sa inyatse gore ke mo-na-le bogole. Mme Nt...
3
Banni ba Ghanzi ba amogetse molao-kakanyetso o mosha wa dinako tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa ba supa fa molao o tsile go tsisa pharologanyo e e molemo mo dikgwebong tsa bone. Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa mokwaledi mo lephateng la peeletso papadi le madirelo Mme Ontlametse Wards mo...
3
Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota. Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of ...
6
Maloko a phati ya Botswana Democratic Party (BDP) a gakolotswe go ela tlhoko batho ba ba botlhabetsi mo phathing ya bone. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile, mo phuthegong ya phatlalatsa ka Sontaga, kwa Molepolole. Rre Reatile o boile gape a gakolola maloko fa phathi ya Domkra...
7
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Rre Dintle Rapoo o supile fa dipalo tsa mekoko kana ba-ema-nosi mo ditlhophong di oketsegile. Rre Rapoo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng. A re go setse go ikwadisitse ba-ema-nosi ba mapalamente ba le masome a mabedi mme mo ditlhophong tse di fetileng go ne go ik...
7
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Alakanani Thabiwa, a re motse wa bone o beilwe semmuso ka 2005 mme le fa go ntse jalo ditlhabololo di santse di saletse kwa morago. E rile a lekodisa molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba ka ditlhabololo tsa motse mo phuthegong ya kgo...
7
Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha. Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a...
2
Temo ya merogo e na le dikgwetlho tse dintsi. Rre Cosper Magaya yo o lemang merogo kwa Sekgopa, gaufi le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re dikgwetlho di fekeetsa dipoelo tsa balemi ba merogo ba neng ba ka di bona mo temong ya bone. Rre Magaya, yo o tlholegang kwa Zimbabwe mme a nna e bile a berekile mo mafe...
3
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga wa 2019/2020. Ba amogetse pego, ee neng e rolwa ke modulasetilo wa komiti ya madi, Rre Dumani Kelepi mo phuthegong e e faphegileng ya khansele bosheng. Rre Kelepi o ne a tlhalosa fa lephata la dikgao...
7
Banni ba Mahalapye ba re ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa maemelo a dipalamo tsa setshaba a motse wa bone. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe, mo bekeng eno. Ba kaile fa seemo se, se sa ba itumedise fela thata bogolo jang dinako tsa dipula ...
9
Kgosi wa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi, Kgosi Sam Bimbo o seegetswe fa thoko mo tirong. Kgosi Bimbo o seegetswe kwa thoko go simologa kgwedi e e fetileng ya Lwetse e le lesome le boraro, morago ga go amega mo kgannyeng nngwe le ba sepodisi. Go bolelwa fa Kgosi Bimbo a tlaa boela mo tirong fela morago ga kgang eo e...
9
Kgosi Kea Lempadi wa Shakawe a re tiro ya bogosi ke go tsereganya morafe le go atisa tlotlano. Kgosi Lempadi o buile se kwa Shakawe fa a tlhoma Kgosi Moropa Mokerenge go nna kgosana ya kgotlana ya Saoshoko bosheng. O ne a supa mokwalo o o tswang kwa lephateng la dikgaolo o o rurifatsang fa Kgosi Mokerenge a tlaa bo a n...
9
Fela jaaka mekgatlho e mengwe, sesole sa Botswana se gatetse pele mo go lwantsheng bolwetse le mogare wa HIV/AID mo lefatsheng leno. Fa a amogela baeng ka letsatsi la botsogo jwa setshaba, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Maun bosheng, Kgosi Kealetile Moremi o supile fa sesole sa Botswana se dira go tlala ka di...
6
- Modiri wa khamphane ya Matebeleng Milling, Rre Shaka Mochine, a re kgaolo ya Kweneng e humile setlhare sa sengaparile mme banni ba ka se nwa moro. Rre Mochine o boletse mo potsolotsong fa khamphane e, ee direlang kwa Matebeleng kwa Kgatleng, e simolotse go reka sengaparile kwa metseng ya kgaolo ya Kweneng ka ngwaga w...
9
Fa a bua kwa phuthegong ya khansele ka Mosupologo, Rre Morolong o tlhalositse fa ditekeletso di solofetswe go simolola mo kgweding ya Phukwi monongwaga, kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial le kwa dikokelwaneng tsa Morwa, Bokaa, Modipane, Rasesa, Phaphane, Boseja 1 le 2, Mochudi, Makakatlela, Malotwana, Oodi le Mak...
5
Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana. Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Huk...
3
Mogolwane wa setlhopha sa mmino wa dikhwaere mo Bobonong Rre Kelebogile Kukumara o galaleditse kgatiso ya mmino wa dikhwaere mo kgaolong eo a re o tlaa ba tlodisa melatswana. Mo potsolotsong le BOPA kwa kgatisong ya dikhwaere tsakgaolo ya Bobirwa ka Tshipi ke ba Botswana Television, Rre Kukumara a rekgatiso ya mmino o,...
0