MMTEB: Massive Multilingual Text Embedding Benchmark
Paper • 2502.13595 • Published • 48
text stringlengths 565 8.03k | label int64 0 9 |
|---|---|
Ditlhopha di le lesome le botlhano tse di neetsweng tiro ya go kwadisa ditsha tsotlhe tse di mo lefatsheng leno di abetswe dikoloi di le lesome le bone. Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsamaiso ya lefatshe [LAPCAS] Rre Makgesi Marata, a re dikoloi tseo di tlaa dirisiwa go fefosa tiro ya go kwadisa ditsha le tiriso ya ... | 7 |
Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o supile matshwenyego ka dipalo tse di kwa tlase tsa magolegwa a a ikoketsang dithuto kwa kgolegelong ya Machaneng. A re dipalo ga di itumedise ka mo magolegweng a le 81 a a kwa kgolegelong eo, ba le 21 ke bone fela ba ba ikoketsang dithuto mme bontsi e le banana ba ba... | 4 |
Rre Rannwane Mpole wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng a re temo ya ditlhare le merogo e a busetsa ebile ke yone a itshetsang ka yone. Rre Mpole o boletse mo potsolotsong gore o lebogela thulaganyo ya lenaneo la puso la go lema ditshingwana tsa merogo ka ba ile ba mo isa dithutong beke tsa go lema le go tlhokomela dij... | 3 |
Mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae o supile fa maikaelelo a puso e le go dira ditlamelo tse di maleba le go diragatsa ditirelo tsa lephata la botsogo tsa maemo a a kwa godimo mo setshabeng ka dinako tsotlhe. Dr Somolekae o buile se bosheng fa a tlhalosetsa setshaba ka dielo le ditirelo tsa botsogo tsa boleng j... | 9 |
Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa Reuben Mpabanga Primary kwa Selebi Phikwe ba kopilwe go tswelela ka tirisanyo mmogo e ntle ya bone le barutabana gore sekole se tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang. Seo se builwe ke Professor Goitseone Malumbela go tswa kwa Botswana International University of Scienc... | 4 |
Mokhanselara wa pele wa Molalatau, Rre Maphole Masilompana, o tlhokafetse marago ga go lwala ka lebaka le lekhutshwane. Rre Masilompana e ne e le mokhanselara wa kgaolo eo a emetse phathi ya Botswana Democratic Party go simolola ka ngwaga wa 2004 go fitlha ka 2009. Moemedi wa lelwapa, Rre Iphemele Masilompana a re Rre ... | 9 |
Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato a re le fa Batswana ba dira setho, lorato le go supa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba amilweng ke dikotsi, ba nne kelotlhoko ka seo se ka okeletsa ba ba amegileng mo kotsing dikgobalo. O buile jalo kwa Mahalapye bosheng jaaka Botswana a ne a tshegeditse e le ... | 6 |
Mosupi mo tshekong ya go ngongoregela maduo a ditlhopho, Mme Tebalo Molapo o boleletse kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Matlhatso gore go tlhoka go rutega le pono e e koafetseng di dirile gore a seka a kgona go tlhopha phathi ya sepolotiki ya pelo ya gagwe. Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progr... | 7 |
Mananeo a puso a tsweletse ka go inola banana mo lehumeng. Se, se rurifaditswe ke Mme Katlego Mokgweetsi yo o dingwaga tse masome mabedi le bone wa Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong yo e leng mongwe wa banana ba ba akotseng mananeo a. Mme Mokgweetsi o boleletse mo potsolotsong go re morago ga go latlhegelwa ke batsadi k... | 3 |
Kgosi Malepa Orekeng wa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa a re ga a jesiwe diwelang ke boitsholo jo bo makgapha jwa banana mo motseng wa gagwe. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Orekeng o tlhalositse fa dikgang tsa botlhoka tsebe jwa banana tse di tlang kwa go ene di amanngwa thata le tiriso botlhaswa ya dino-tagi le dirit... | 1 |
Kgosi wa Bodibeng kwa Nhabe, Rre Paul Mbaeva o kgadile batho ba ba kgaolang terata ya matlhoko a leruo. Kgosi Mbaeva o ne a galefile mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Konstantinos Markus ka Labobedi kwa motseng oo. A re go utlwisa botlhoko ka go bo terata eo e le ya t... | 4 |
Motse wa Mahetlwe mo kgaolong potlana ya Lentsweletau o ipaakanyetsa makgaola-kgang a dikgaisanyo tsa motse o o phepa. Mmaboitekanelo kwa motse oo, Mme Kelebogile Motswagole, o tlhalositse jalo ka Mosupologo. A re se se tla jaana morago ga gore motse oo o tseye sekgele sa maemo a ntlha mo kgaolong ya Kweneng ngogola. O... | 5 |
Modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, O ne a kopa lekgotla leo go tlhagisa setshaba go tlhokomela lefatshe ka e le mpho ya Modimo, a tlhalosa fa le tshwanetse go tlhokomelwa sentle fa motho a le abetswe e seng go le rekisa; ka jaana le tlhaela. Modulasetilo, O ne a phophotha legetla ba lekgotla la kabo ditsha go bo ... | 7 |
Lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le lela ka tlhaelo ya lefatshe la bonno le masimo le ntswa Motswana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go nna le setsha. Mafoko a a builwe ke Rre Elijah Molwele kwa Tsabong bosheng mo boemong jwa modulasetilo wa lekgotla la Kgalagadi kwa moletlong wa selalelo o maikaelelo wa one ... | 9 |
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re lekgotla la ditlhopho le kwadisitse batlhophi ba le 47 384 kwa dikgaolong tsa Mochudi Botlhaba le Bophirima. Fa a rola pego kwa bokopanong jwa khansele kwa Mochudi bosheng, Rre Morolong o boletse fa dikgaolo ka bobedi di bonye kgolo ya batlhophi. Ntswa Mochu... | 7 |
Kgaolo ya bokone botlhaba ke nngwe ya mafelo aa humileng ditso tse di tlogetsweng ke bagologolo ba maloba, mme tseo di akaretsa ditshwantso mo majweng, mafelo a a faphegileng ga mmogo le didiba tse di sa kgaleng. Mo motseng wa Kalakamati go fitlhelwa lefelo la Mantenge le le segofaditsweng ka mmadidiba fa gare ga lejwe... | 7 |
Mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, o rotloeditse banni ba kgotlana ya Lotsane mo Palapye go tsaya karolo mo go thuseng bangwe ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa kgotlaneng eo ka Mosupologo, Phalane a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabongwe, kwa go neng go abelwa bana ba masiela ba seko... | 9 |
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus o tlhalositse fa madi a dikgaolo tsa botlhophi a le mo taolong ya mopalamente ka ke ene a itseng letlhoko la dikgaolwana tsa gagwe ka go farologana. Rre Markus o buile seo fa a ne a buisa boeteledipele jwa kgaolo ya gagwe ka Labone mo Maun. A re jaaka e le moeteledi... | 7 |
Ngwana o tshwanetse go godisiwa ka tsela e e leng gore ka moso o kgona go ema fa pele ga batho e le moeteledipele e bile a dira dilo tse di siameng. Se, se builwe ke Mme Ditshupo Selepeng go tswa Love Botswana mo ipelelong letsatsi la botsogo jwa ngwana kwa kgotleng ya Shashe kwa Maun bosheng. A re tlhokomelo ya ngwan... | 4 |
Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane, a re o tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di sa tseneng ditiro tsa setshaba. Kgosi Kegapetswe o buile jalo ka tshipi, fa a amogela diphuthego tsa dikereke tse di neng di kokoane kwa kgotleng go tla go rapelela pula le go simolodisa kgwedi ya merapelo e e itebagantseng le twantsh... | 6 |
Maphata a puso ka go farologana a eteletswe pele ke la ga molaodi go tswa mo Serowe ba ne ba boloditse letsholo la go isa ditirelo kwa Dimajwe bosheng. Maphata a ne a thusa ka tse banni ba di nyoretsweng go na le go di latela kwa Serowe jaaka go diragala. Ba tsere letsatsi lotlhe ba thusa morafe. Mo lephateng la kabo d... | 9 |
Mmaboitekanelo wa kokelwana ya Leetile kwa Mahalapye, Mme Bohutsana Moseki, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya ngwana. O buile se bosheng fa a simolodisa dithuto tsa letsatsi tsa go kala bana le go fa batsadi ba bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano dikgakololo ka tlhokomelo ya bana. A re ... | 6 |
Merafe ka go farologana e na le sengwe se ba tumileng kana se ba itseweng ka sone, mme fela jalo ngwao ya Batswana e melediwa mathe ke bontsi, selo se se neng sa tlhotlhelediwa thata ke Tautona wa ntlha Sir Seretse Khama yo o neng a rotloetsa Batswana go ipelafatsa ka segabone. Le fa a sa thole a le botshelo, mafoko a ... | 0 |
Kgaolo ya Distance kwa Selebi Phikwe e ne e tshwere moletlo go rotloetsa banna go nna le boikarabelo mo go tsa botsogo. E rile a amogela batsena moletlo, Kgosi Mark Thipe o ne a rotloetsa borre go leka go ikatumetsa le go ikamanya le moono mogolo wa tsa botsogo. “Borre re saletse morago thata le tsa botsogo, a re kopan... | 6 |
Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o tsweletse ka go buisa diphuthego tsa kgotla go laela batlhophi ba kgaolo eo. Rre Makgalemele yo o neng a tlhophiwa go nna mopalamente ka ngwaga wa 2009, o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Kalamare, Mmutlane, Mokgenene, Poloka, Otse, Kodibele... | 7 |
Go tlhoka thulaganyo ga bodiredi jwa ofisi ya temo-thuo kwa Lentsweletau go kgoreleditse maiteko a go etela mananeo otlhe a lenaneo la nyeletso lehuma kwa motseng oo. Mothusa tona wa madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, Rre Vincent Seretse o ne a rulagantse go etela ditiro tsa nyeletso lehuma tse di akaretsang ditshin... | 9 |
Mokgothatsi go tswa kwa kerekeng ya Lontone mo Maun, Mme Motlagomang Maochadza o gwetlhile dikereke go tswelela di ngokela borre mo tumelong. A re bontsi jwa dikereke bo phophoma ka maloko a bomme mme borre ba santse ba le maoto a tshupa go inaakanya le dikereke. O buile jalo jaaka fa a ne a kgothatsa ba kereke ya Spir... | 8 |
Setshaba se rotloeditswe go tsibogela go neela balwetse ba botsogo jwa tlhaloganyo seriti. E rile a bua mo segopotsong sa bolwetse jwa tlhaloganyo, se se neng se tshwerwe ke sepatela sa Scottish Livingstone kwa Molepolole, mogolwane wa tsa botsogo, Mme Gaboelwe Rammekwa a tlhalosa fa batho ka kakaresto ba tshwanelwa ke... | 6 |
Mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o rotloeditse balemi ba Paje go lema ba dirisa mekgwa ya segompieno. Fa a bua kwa moletlong wa go lebogela pula le thobo kwa motseng oo bosheng, Rre Molebatsi o tlhalositse fa balemi ba ka akola maduo a lenaneo la ISPAAD ka go lema ka mekgwa ya segompieno. A re go diri... | 9 |
Banni ba motse wa Thamaga ba buile ba sa kgwe mathe ka seemo se se maswe sa matlwana a boithomelo a a mo dikolong, se ba reng beile botsogo jwa bana ba bone mo diphatseng Ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa thuto Rre Patrick Masimolole ka Labone Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi... | 6 |
Go nna le mowa wa go ipelega le popagano mo morafeng go ka fetola matshelo a bone ga ba ga isa Botswana ko pele. Fa a bua ko moletlong wa kabo ya dimpho tse di tswang mo go ba mokgatlho wa bomme wa Lentswe la Bomme Phatwe a le lesome le bosupa, Kgosikgolo Mosadi wa Balete o ba akgotse thata a tlhalosa fa mekgatlho ya g... | 7 |
Motlapele o boletse a re mabogo dinku a a thebana e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. Mafoko a, a rurifaditswe ke bomme ba Motokwe ba ba supileng fa e ne ya re ba le mo tirelong ya phitlho kwa Letlhakeng ba kgatlhwa ke ka fa bomme ba mokgatlho wa Shegotja Molelo ba motse oo ba neng ba tsamaisa phitlho ka teng, ... | 9 |
Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang a re molao wa tsela o tshwanetse go sekasekwa bogolo jang fa o buang ka lebelo le le letlelesegang. Rre Tlhomelang a re e re le ntswa go na le mabaka a mantsi a a bakang dikotsi mo tseleng, lebelo le le kwa tlase mo go feteletseng le lone le na le seabe. A re se s... | 2 |
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o sa tswa go amogela sesupo sa go tsenngwa ga makgobokgobo a Okavango go nna lengwe la maremelelo a bojanala a a itsegeng lefatshe ka bophara. artTautona o ne a ba a fiwa setlankana se ke tona wa lephata la diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama a se amogetseng go tswa kwa g... | 0 |
Lekgotla la CEDA le gakolotswe go tlhagafalela go ruta setshaba ditsamaiso tsa lone go ba tlhofofaletsa go dirisa mananeo a lone ka botlalo. Fa mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Ndinani Makhulela a akgela mo mafokong a moeteledipele wa lekgotla leo mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ya Bokone Botlhaba boshen... | 3 |
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nata, Rre Gobusamang Ntshese o lebogetse mananeo a puso jaaka Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe go bo a thusa batho. Rre Ntshese o buile jalo fa a rola pego ya komiti kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo ka Labone. A... | 3 |
Mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Pandagala kwa Tutume, Mme Chedu Seeletso, a re maduo a sekole se o a ngogola a wetse tlase fa go tshwantshanngwa le a ngwagatlola. Mme Seeletso o buile se mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. A re ngwagatlola maduo a A, B le C e ne e le 79.7 per cent fa a ngogola e n... | 4 |
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o boleletse banni ba Mahotshwane, Sekoma le Khonkhwa kwa kgaolong ya Jwaneng/Mabutsane gore ba tshwanetse go akola mananeo a ba a neelwang ke puso. A re ba tshwanetse go ipela ka se puso e se ba diretseng ka go lwantsha mogare wa HIV le AIDS a bol... | 4 |
Mmuso o abetse kgaolo-potlana ya Mahalapye P150 000 go keteka meletlo ya boipuso jwa mono ngwaga. Se se boletswe ke modiri wa lephata la boipelego, Mme Veronica Kalabante mo phuthegong e e neng e tsenwe ke baeteledipele ba motse jaaka dikgosi, magosana, makhanselara, maloko a komiti ya ditlhabololo le molaodi wa kgaolo... | 7 |
Makhanselara a kgaolo ya Borwa ba sa tswa go kopa khansele gore letsatsi la go rekisa le go ipapatsa mo dikgwebong tsa morafe tsa diatla le tshwanetse la tseelwa kwa godimo eseng go dira ditshupegetso fela. Makhanselara a Borwa a buile jalo fa ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Leach Tlhomelang... | 7 |
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsabong, Rre Wilpard Gotlop, o ngongoregile ka mosuke wa kokelo ya Tsabong. O supile ngongorego e mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa yo ebileng gape e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae mo kgotleng kgolo ya Tsabo... | 6 |
Banni ba Shoshong ba ngongoregile ka ditsela tse di mo motseng wa bone ba re ga di a siama. Banni ba supile ngongorego ya bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona mo ofising yaga tautona le bodirela puso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Philip Makgalemele, bosheng. Ba re dit... | 9 |
Kgosi Phokontsi Seeletso wa Mmadinare a re o tshwenngwa ke seemo sa dikole tsa motse wa gagwe, se se dirang gore barutabana ba tshware phage ka mangana mabapi le boitshwaro jwa baithuti jo bo sa itumediseng. Kgosi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke ba Mmadinare Development Trust bosheng. A re bar... | 9 |
Mapodisi a Maun a mo patlong ya ga mmaagwe lesea le le fitlhetsweng le latlhilwe e bile le tlhokafetse mo kgotleng ya Moeti ka mafelo a beke. Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a Maun, Superintendent Kenanao Badumetse o boletse gore ba begetswe tiragalo eo ka Matlhatso ke mme mongwe yo a tlhalositseng fa e ne ya re ph... | 1 |
Bomme kwa Lerala ba rotloeditswe go lemoga botlhokwa jwa ditlhopho le go tsaya karolo ka go nna bo ntlhopheng mo dikgaolong tsa bone. Se se builwe ke mogolwane kwa lekgotleng le le tsamaisang ya ditlhopho la IEC kwa Palapye, Rre Oaitse Thipe, kwa thuto puisanong e e neng e tsenwe ke bomme go tswa mo diphathing tsa sepo... | 7 |
Banana ba Palapye ba ba dirang mo lenaneong la Tirelo Setshaba ka fa tlase ga lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba supile mowa wa bopelotlhomogi ka go abela banana bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho di akaretsa melora e e tlhapang le e e tlhatswang gammogo le tse ditlolo. Fa a bua mo boemong jwa... | 9 |
Lephata la temo-thuo le okeditse gape nako ya temo ya ngwaga wa 2013/2014 ka fa tlase ga lenaneo la ISPAAD. Go ya ka lephata leo, nako ya temo mo borwa jwa Dibete e okeditswe go tswa mo go Firikgong a tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe go ya kwa go Tlhakole a le lesome le bone, fa dinako tsa bokone jwa Dibet... | 9 |
Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re ba tshwere batho ba le masome a mabedi le boroba bobedi kwa kgotleng ya Rakgomo go bapa le mmolo wa Serowe bosheng. Supt Oteng o boletse mo potsolotsong fa batho bao, ba ne ba kokoane le mororo dikgakololo ka go thibela mogare wa corona di opelwa bosig... | 1 |
Moeteledipele mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Ndineni Mbuso a re lephata la gagwe le tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a sekole se sebotlana sa ga Segwagwa. Rre Mbuso a re seo se ne sa ba gwetlha go tsaya matsapa a go ya go tlhola morafe le batsadi ba bana kwa ga Segwagwa. O buile se jaaka lephata la g... | 4 |
Lenaneo la puso la go ntsha Batswana mo lehumeng le tsweletse ka go dira sentle. Morago ga gore puso e bolotse letsholo la go ruta le go rotloetsa Batswana go amogela le go dirisa mananeo a, maduo ke a a itumedisang. Lecheng kwa kgaolong ya Tswapong Bokone, ke mongwe wa metse e lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletseng... | 3 |
Mapodisi a Martinsdrift le Ramokgonami a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le babedi ba fithetsweng ba tlhokafetse. Detecetive Superintendent Letsweletse Baile a re mosadi wa dingwaga tse masome a mabedi le bone o fitlhetswe a tlhokafetse kwa masimong a Isheshane fa monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le... | 1 |
Lephata la temo thuo le itsise setshaba gore taolo e e duleng kgwedi ya Moranang e le lesome le bobedi, tebang le metsamao ya leruo le le tlhako e e maphata le ditswa-leruong leo mo kgaolong ya Zone 11 ga e a fetoga ka gope. Se se ganetsa magatwe a a duleng mo metsweding ya dikgang e e akaretsang Facebook, tsa gore tao... | 9 |
Kgosi Baikananyi Sebetlela wa Maokatumo kwa kgaolong ya Legare a re ba lemogile fa palo ya babapadi ba phane e godile kgwedi eno. Kgosi Sebetlela o kaile mo potsolotsong fa ba bapadi ba phane ba tswa mo dikgaolong ka go farologana go ralala lefatshe leno. A re mo pegong e ba e filweng ke lephata la tlhokomelo ditlhare,... | 6 |
Kgaolo ya Mmadinare e e akaretsang metse ya Damochujenaa, Tshokwe, Robelela, Tobane, Sefhophe le Mmadinare ba ipaakanyetsa ditshupo (Mmadinare District Show) tsa monongwaga tse di tlaa bong di tshwaretswe ko motseng wa Mmadinare kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mararo le motso go fitlha kgwedi ya Phatwe e tlho... | 7 |
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome mane le motso wa masimo a Dikolakolane mo kgaolong ya Lentsweletau o thusa mapodisi a Molepolole mo ditlhotlhomisong mabapi le go fitlhelwa ka dikgomo di le masome matlhano le bosupa tse go belaesegang ele tsa bogodu. Go ya ka mogolwane wa mapodisi a Molepolole Superintendent Tawa... | 1 |
Makhanselara a Kgaolo ya Borwa a ntshitse dikakgelo tse di farologaneng fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa khansele, Rre Mephato Reatile. Phuthego eo ya khansele e simologile ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi) mme e solofetswe go wela kgwedi eno e le masome a mabedi le motso. Mokhanselara wa Digawana ... | 7 |
Balemi ba rotloeditswe go tsaya tsia dikgakololo tsa balemisi mabapi le go lema dijwalo tse di emelanang le seemo sa loapi. Kgakololo e dule ka molemisi wa Gakuto kwa kgaolong ya Kweneng, Mme Gabaoitse Tiroyaone, kwa bokopanong jwa gagwe jwa beke le beke le balemi. Bokopano jo bo tshwarelwa kwa masimong a Letlhakane ga... | 3 |
Kgosi Ramonnye Matlapeng wa Tlokweng o supile fa batho ba aparetswe ke mathata a ba a itiretseng a a bakiwang ke matlakala. Kgosi Matlapeng o supile fa go latlhela matlakala mo tikologong ya ba bangwe e le boloi, a supa fa batho bangwe ba itira baitimokanyi ka ba ipaya jaaka ekete ga ba itse mme ba itse gore ba latlhel... | 9 |
Lekgotla la bopelotlhomogi la Mmabatho Foundation le abetse dikole tse dipotlana le tse dikgolwane tsa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba didirisiwa tsa maranyane di akaretsa khomputara, mechine ee ntsifatsang dipampiri le didirisiwa tse dingwe. E rile a amogela dimpho tse mo boemong jwa boeteledingpele jwa dikolo tse, m... | 4 |
lick to see more pictures Mogolwane wa lephata la ditsela, Rre Ishmael Rannoko a re le fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa, tsela e e golaganyang Moralane le Mosolatshane e tlaa gopiwa go tokafatsa seemo sa yone. Rre Rannoko o ne a tsibogela mafoko a ga Kgosi Keoganne Modisapodi wa Moralane gore tsela e na le lobaka e sa go... | 9 |
Go bolelwa fa boipuso jwa mono ngwaga e le matlhagolatsela a boipuso jwa 2016 jaaka Botswana a tla bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa. Mo phuthegong e e neng e buisiwa ke dikomiti tse di eteletseng pele ditirelo tsa boipuso, Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall o akgoletse morafe wa toropo eo go tsh... | 7 |
Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa phathi Domkrag, Mme Gosego Matlala, o bolokilwe kwa Tlokweng ka mafelo a beke. Dibui ka go farologana di supile fa Mme Matlala a ne a le senatla, a rata go dira ka diatla mme ebile a sa rate go senyediwa nako. Rraagwe mogolo, Kgosi Kgosintwa Gaborone, o ne a supa fa ngwana wa ga monn... | 9 |
Lenaneo la nyeletso lehuma le tsweletse ka go dira sentle . E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma kwa metseng eo le tserwe ka dipalo tse di kwa godimo go feta dikgaolo tse dingwe tse di mo kgaolong potlana ya Mahalapye. O boletse f... | 3 |
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re go tsosolosiwa ga letsomo go tlaa hema tshenyo e e dirwang ke ditlou. Rre Lelatisitswe, yo gape e leng Mothusa Tona wa Botsogo le Boitetkanelo, o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa merakeng ya Mmakgama, Nthane le Tsutsuga bosheng. A re go emisiwa ga ... | 9 |
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o kopile banni ba Moshaweng go seka ba baya ba-na-le-bogole ka fa mahure gore le bone ba tle ba akole mananeo a puso jaaka Batswana ba bangwe. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi (Phalane a le lesome le motso) kwa motseng oo, Dr Mmusi o ne a tlhalosa fa go fitlh... | 9 |
Banni ba Jackalas I ba kgaletswe go sa tla ka dipalo tse di kwa godimo kwa moletlong wa pulo semmuso wa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone. Fa a bua mo boemong jwa ga Rre Samson Guma yo a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, modiri kwa ofisisng ya mopalamente, Rre Mpaphi Zibochwa o ne a supa fa ... | 7 |
Komiti e e neng e rulaganyetsa leeto la tsamaya sentle la ga tautona wa pele e abetse kgotla ya Palapye ditilo di le makgolo a mane tse di rekilweng ka madi a a neng a sala morago ga leeto ya bo ya rolela bogogi tse e di dirileng. Motshwara madi wa komiti, Rre Lawrence Bodilenyane o tlhalositse fa madi otlhe a a neng a... | 7 |
Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe a re banni ba leka ka bojotlhe go obamela melawana e e beilweng ke puso go hema go tsenwa ke mogare wa corona. O boletse mo potsolosong bosheng gore molaetsa wa gore go itshirelediwe jang go tila mogare o gorogile sentle ebile o aname mo motseng, mme sebe sa phiri ke gore banni b... | 6 |
Modulasetilo wa mokgatlho wa Dingwetsi Association, Mme Grace Silver, o kopile bomme ba dingwetsi go tlhwaafalela go tlhokomela le go aga malwapa a a tiileng. Mme Silver o buile se mo bokopanong jwa mokgatlho kwa Lerala bosheng. O tlhalositse fa bomme bangwe ba dule mo tseleng mme ba sa tlhole ba batla go thusa borre ... | 9 |
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya o kopile bannni ba masimo a Makoro le Modoole go kopanela sediba se se neng se epiwa ke khamphani ya Sterling fa ba dira tsela ya masimo a Radisele. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Makoro bosheng, Rre Goya o kopile banni gore ba seka ba ithontsha tshwanelo ya gore puso e ba... | 9 |
Mogolwane wa lephata la thuto wa kgaolo ya Legare, Rre Sane Mooketsi, o tlhaloseditse makhanselara a kgaolo-potlana ya Boteti ka merero ya lephata la thuto. Rre Mooketsi o ntshitse tlhaloso e kwa phuthegong ya khansele ya kgaolo-potlana ya Boteti ka Labotlhano a re tiro ya lephata la thuto ke go fa thuto boleng jo bokw... | 4 |
Kgotla ke nngwe ya mafelo a a santseng a supa fa ngwao e itsetsepetse. Bomme ba ya kgotleng ba rwele ditukwi, ba okegile magetla ebile ba sa letlelelwe go apara marokgwe. Go solofelwa gore borre bone ba apare dibaki fa ba ya kgotleng. Baeteledipele ba santse ba rotloetsa setshaba go itse ka ditso le tlholego ya bone e ... | 0 |
Bathoba Komana mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba kgadile ba sa kgwe mathe mokgwa o ba boletseng fa e le selo modiro mo motseng wa bone wa go fitlha dirukutlhi. Ba buile jalo mo phuthegong e e neng e tsentswe kwa motseng wa bone ke Ramapodisi a Maun Rre Kenanao Badumetse mo bosheng a le mo leetong la gagwe la go ipegel... | 1 |
Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re Botswana Democratic Party (BDP) e tla a tswelela ka go tokafatsa matshelo a Batswana ka go tsisa mananeo a a ka tlhabololang matshelo a bone. Rre Kgathi o buile seo mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Moletemane mo kgaolong ya Bobonong. A re BDP ke sekao sa phathi e ka kgonang ... | 7 |
Monana wa Ditshukudu mo kgaolong potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Topo Sekgethiso wa dingwaga tse di masome mabedi le bone o tlhalositse fa dipodi di bogadi bo gaofi. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Sekgethiso o ne a tlhalosa fa dipodi di sena dingalo go tlhokomelwa, mme e bile a supa fa di na le mmaraka o ... | 3 |
Kgosi David Megano wa motse wa Maralaleng o gwetlhile banni ba motse oo le setshaba ka kakaretso go ya go itlhatlhobela mogare ka seo se ka thusa thata mo go tseyeng dikgato tse di maleba. Kgosi Megano o buile se kwa kabong dimpho ya komiti ya ditlhabololo tsa motse jaaka ba ne ba abela ba mokgatlho wa bomme ba ba tshe... | 6 |
Makhanselara a Borwa Botlhaba a re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le reteletswe ke go dira go lekane gore Batswana ba ikwadisetse ditlhopho. Ba supile se fa ba a kgwa modulasetilo wa khansele eo kgaba, morago ga go ba baya pele pego ya seemo sa kgaolo ka Mosupologo, Motshe... | 7 |
Tswana News Classification Dataset
| Task category | t2c |
| Domains | News, Written |
| Reference | https://link.springer.com/chapter/10.1007/978-3-031-49002-6_17 |
Source datasets:
You can evaluate an embedding model on this dataset using the following code:
import mteb
task = mteb.get_task("TswanaNewsClassification")
evaluator = mteb.MTEB([task])
model = mteb.get_model(YOUR_MODEL)
evaluator.run(model)
To learn more about how to run models on mteb task check out the GitHub repository.
If you use this dataset, please cite the dataset as well as mteb, as this dataset likely includes additional processing as a part of the MMTEB Contribution.
@inproceedings{marivate2023puoberta,
author = {Vukosi Marivate and Moseli Mots'Oehli and Valencia Wagner and Richard Lastrucci and Isheanesu Dzingirai},
booktitle = {SACAIR 2023 (To Appear)},
dataset_url = {https://github.com/dsfsi/PuoBERTa},
keywords = {NLP},
preprint_url = {https://arxiv.org/abs/2310.09141},
software_url = {https://huggingface.co/dsfsi/PuoBERTa},
title = {PuoBERTa: Training and evaluation of a curated language model for Setswana},
year = {2023},
}
@article{enevoldsen2025mmtebmassivemultilingualtext,
title={MMTEB: Massive Multilingual Text Embedding Benchmark},
author={Kenneth Enevoldsen and Isaac Chung and Imene Kerboua and Márton Kardos and Ashwin Mathur and David Stap and Jay Gala and Wissam Siblini and Dominik Krzemiński and Genta Indra Winata and Saba Sturua and Saiteja Utpala and Mathieu Ciancone and Marion Schaeffer and Gabriel Sequeira and Diganta Misra and Shreeya Dhakal and Jonathan Rystrøm and Roman Solomatin and Ömer Çağatan and Akash Kundu and Martin Bernstorff and Shitao Xiao and Akshita Sukhlecha and Bhavish Pahwa and Rafał Poświata and Kranthi Kiran GV and Shawon Ashraf and Daniel Auras and Björn Plüster and Jan Philipp Harries and Loïc Magne and Isabelle Mohr and Mariya Hendriksen and Dawei Zhu and Hippolyte Gisserot-Boukhlef and Tom Aarsen and Jan Kostkan and Konrad Wojtasik and Taemin Lee and Marek Šuppa and Crystina Zhang and Roberta Rocca and Mohammed Hamdy and Andrianos Michail and John Yang and Manuel Faysse and Aleksei Vatolin and Nandan Thakur and Manan Dey and Dipam Vasani and Pranjal Chitale and Simone Tedeschi and Nguyen Tai and Artem Snegirev and Michael Günther and Mengzhou Xia and Weijia Shi and Xing Han Lù and Jordan Clive and Gayatri Krishnakumar and Anna Maksimova and Silvan Wehrli and Maria Tikhonova and Henil Panchal and Aleksandr Abramov and Malte Ostendorff and Zheng Liu and Simon Clematide and Lester James Miranda and Alena Fenogenova and Guangyu Song and Ruqiya Bin Safi and Wen-Ding Li and Alessia Borghini and Federico Cassano and Hongjin Su and Jimmy Lin and Howard Yen and Lasse Hansen and Sara Hooker and Chenghao Xiao and Vaibhav Adlakha and Orion Weller and Siva Reddy and Niklas Muennighoff},
publisher = {arXiv},
journal={arXiv preprint arXiv:2502.13595},
year={2025},
url={https://arxiv.org/abs/2502.13595},
doi = {10.48550/arXiv.2502.13595},
}
@article{muennighoff2022mteb,
author = {Muennighoff, Niklas and Tazi, Nouamane and Magne, Loïc and Reimers, Nils},
title = {MTEB: Massive Text Embedding Benchmark},
publisher = {arXiv},
journal={arXiv preprint arXiv:2210.07316},
year = {2022}
url = {https://arxiv.org/abs/2210.07316},
doi = {10.48550/ARXIV.2210.07316},
}
The following code contains the descriptive statistics from the task. These can also be obtained using:
import mteb
task = mteb.get_task("TswanaNewsClassification")
desc_stats = task.metadata.descriptive_stats
{}
This dataset card was automatically generated using MTEB