title stringlengths 15 71 | text stringlengths 457 6.77k | orig_label stringclasses 1
value | label stringclasses 1
value |
|---|---|---|---|
Hunyepa o kgothatsa boeteledipele | Mopalamente wa Tati West, Rre Justin Hunyepa o kgothaditse dikgosi le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go direla dilo mo pontsheng go tila tshenyetso setshaba. E rile a buisa dikgosi le maloko a komiti eo beke e e fetileng ka Labobedi kwa Masunga, Mopalamente a re ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tshwane... | Dikgang | Dikgang |
Monna ikgapetse botshelo kwa Maubelo | Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi o fitlhetswe a akgega mo setlhareng kwa morakeng gaufi le Maubelo mo Kgaolong ya Tsabong. Tiragalo eo e begetswe mapodisi ke mofeti ka tsela kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabongwe maitseboa. Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christoph... | Dikgang | Dikgang |
Kgosi Motshidiemang o bolokilwe | Kgosi Keitseng Motshidiemang o bolokilwe ka Matlhatso kwa Tubu.Dibui ka go farolagana kwa phitlhong di kaile fa Kgosi Motshidiemang, yo o neng a le kgosi ya pele ya Tubu, a ne a le lorato mo setshabeng, a le senatla e bile a rata ditiro tsa boithaopo.Kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare o tlhalositse fa a sa le a itse Kg... | Dikgang | Dikgang |
Puso e itlama go isa ditirelo kwa setshabeng molaodi | Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa ka se se thusa go fokoletsa Batswana mesepele go ya kwa mafelong a ba ka bonang thuso teng. Molaodi wa kgaolo ya Kgatleng, Mme Kolobetso Sejakgomo o tlhalositse fa go isa ditirelo kwa bathong e le maitlamo a magolo a puso ya lefatshe leno. O buile se kwa Artesia bosheng, fa m... | Dikgang | Dikgang |
UDC e rotloetsa maloko go ikwadisetsa ditlhopho | Moeteledipele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) Advocate Duma Boko o kopile maloko a phathi go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go tlhopha ka ngwaga wa ditlhopho wa 2024. O buile se ka Tshipi jaaka fa phathi eo e ne e ipelela phenyo ya bopalamente ya ngwaga wa 2019 e ba ne... | Dikgang | Dikgang |
Ba batla Palamente e dirisa teme ya Setswana | Bagolo ba motse wa Mmadinare ba kopile gore dithulaganyo tsa palamente di buiwe ka Setswana gore ba kgone go utlwa baemedi ba bone. Mongwe wa banni, Mme Oakantse Gopolang o ntshitse mogopolo o kwa phuthegong ya kgotla e eneng e buisiwa ke Motsamaisa Dipuisano tsa Palamente Rre Dithapelo Keorapetse ka Laboraro kwa motse... | Dikgang | Dikgang |
Moruti Machola o etelela Lobatse pele | Moruti jaaka modisa yo o molemo o tshwanetse go kgathala ka batho, a ba rute, a ba rotloetse go gola mo tumelong ka go itse lefoko la Modimo, bogolo jang ba ba dipelo tse di thubegileng le ba ba tlhokang thata. Go anamisa lefoko le le molemo ka Jeso go ka kgonafala fa moruti a le boikanyego, a bala go ithuta gore a tse... | Dikgang | Dikgang |
Mopalamente o rotloetsa tshwaragano | Mopalamente wa kgaolo ya Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo o gakolotse maloko a mokgatlho wa bomme wa Botswana Democratic (BDP) wa kgaolo ya gagwe go tshwaragana thata bogolo jang ka nako ee gorogileng ya ditlhopho. Rre Letsholo o buile jalo fa a buisa maloko a mokgatlho oo bosheng, kwa ba neng ba kopane go sela matla... | Dikgang | Dikgang |
Tsela ya Mmadinare-Robelela e tlaa dirwa | Mopalamente wa Mmadinare yo e bileng e le mothusa tona wa Temo-Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi o tlhalositse fa tsela ya Mmadinare-Robelela e tlaa tshelwa sekontere mono ngwaga. Rre Molebatsi o tlhalositse jaana mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi Kwa Robelela, a supa fa mo dipuisanong tsa gagwe le ba lephata la ditsela ... | Dikgang | Dikgang |
Banana ba itlamile go fetola dikakanyo | Banana ba Mmadinare ba itlamile go sala morago lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go fetola dikakanyo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. Ba supile se kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lekgotla la dikereke kwa Mmadinare bosheng. Mongwe wa banana Mme Ookeditse Moabi o tlhalositse fa nako e g... | Dikgang | Dikgang |
Banni ba rotloediwa go dirisa Chema Chema | Banni ba Magotlhwane ba kgothaditswe go dira ka thata gore ba akole lenaneo la Chema Chema go ikopela madi go godisa dikgwebo tsa bone. Mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare o buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Magotlhwane bosheng. Rre Gare a re keletso ya gagwe ke gore lenaneo la Chema Chema le godis... | Dikgang | Dikgang |
Letlhoko la madi le ama ba kabo ditsha | Lekgotla la kabo ditsha la Ngwaketse le lela ka ditirelo tse di saletseng kwa morago ka ntlha ya letlhoko la madi. Mokwaledi wa lekgotla, Rre Godiramang Moepeng o supile fa makgotla a mabotlana a kabo ditsha a a welang ka fa tlase ga la Ngwaketse a tlhoka gore a dire ditogamaano tse di tlaa thusang go isa ditlamelo kwa... | Dikgang | Dikgang |
Tibi o ba gwetlha go tsaya karolo | Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi, o gwetlhile banni ba kgaolo ya Ghanzi go tsaya karolo mo ditlhophong. A re se, se fa botlhe sebaka sa go itlhophela puso e e tlaa tsamaisang merero ya ditlhabololo ka bonokopila le go nonotsha itsholelo ya lefatshe go tokafatsa botshelo jwa setshaba. Mo potsolotson... | Dikgang | Dikgang |
Kgotla e tlaa tsholediwa maemo | Kgotla ya motse wa Botalaote, kwa kgaolong ya Tati Bophirma, ke nngwe ya tse di tlaa tsholediwang maemo mo ngwageng ono wa madi. Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Simon Moabi mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo, kgwedi eno e le malatsi matlhano. Rre Moabi o boletse fa go tsholediwa moo go tlaa baka g... | Dikgang | Dikgang |
Batswana ba tlaa gokelelwa motlakase mahala | Banni ba kgaolo ya Tswapong Bokone ba boleletswe fa puso e tsere tshwetso ya go gokelela Batswana motlakase mahala. Mopalamete wa Lerala/Maunatlala e bile e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Setlhabelo Modukanele o buile jalo mo diphuthegong tse a tsweletseng a di buisa mo kgaolong ya gagw... | Dikgang | Dikgang |
Kalamare o ipelela dingwaga tse 125 | Banni ba Kalamare ba ne ba ipelela dingwaga tse di lekgolo le masome a matlhano (125) motse oo o ntse ole teng. Moletlo wa Kalamare o o neng o kgatlha leitlho o ne o tsenwe ke Batswana go tswa kwa dikgaolong tse dingwe go akaretsa magosi. Fa a bua kwa moletlong oo bosheng, Kgosi kgolo ya Barolong Kgosi Lotlamoreng Lo... | Dikgang | Dikgang |
Kgosi Kelosiwang o tlaa bolokwa ka Tshipi | Kgosana yoora Mongala kwa Kanye, Kgosi Daniel Kelosiwang o tlaa bolokwa ka Tshipi. Kgosi Kelosiwang o tlhokafala a le dingwaga tse 98 morago ga go lwala ka lobaka. O tlhokafetse kgwedi ya Phatwe e rogwa. Mo potsolotsong le BOPA ka Matlhatso, morwadia moswi, Mme Gaokgakala Kelosiwang o ne a re Kgosi o tlhokafaletse mo l... | Dikgang | Dikgang |
Bagwebi ba merogo ba batla melelwane e bulwa | Batswana ba ba gwebang ka go rekisa merogo ba re ba batla melelwane e bulwa gore ba kgone go ithekela merogo kwa Afrika Borwa go e rekisa mono. Mongwe wa bagwebi, Mme Tlhokomelo Kgogobi yo o dingwaga di masome a mane le bone yo rekisetsang gaufi le marekisetso a Wayside mo Lobatse o buile jalo mo potsolotsong le BOPA a... | Dikgang | Dikgang |
Barui ba Sandveld ba tshwara ditshupo | Barui ba Sansveld Ranchers Association ba ne ba kopanetse kwa polaseng ya Gambee kwa Bophirima jwa Sandveld ka Matlhatso go tshwara tiro ya ngwaga le ngwaga ya go supa leruo la bone, go bua ka tse di ba amang e le barui ba dikgomo le go buisanya ka go tlhabolola thuo ya kgomo. Tiro eo e ne e tshwaretswe kwa polaseng ya... | Dikgang | Dikgang |
' Emisang go bipa mpa ka mabele' -Austin | Ratoropo wa Gaborone Rre Abraham Austin a re go a tshwenya go bona bangwe ba ba kgokgontshiwang ba bipa mpa ka mabele ntswa ba sa tshele sentle. Rre Austin o buile jalo ka mafelo a beke kwa dikgaisanong tsa mma bontle wa bomme ba ba nyetsweng oo neng o rulagantswe ke lekalana la Mrs Botswana. Maikaelelo a mmabontle oo... | Dikgang | Dikgang |
Kotsi ya tsela e gapa matshelo | Rre wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano, le yo mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bosupa ba tlhokafetse mo kotsing ya tsela e e diragetseng fa gare ga Ditshegwane le Sesung, ka Labobedi. Motshwarelela mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng, Assistant Superintendent Lekopanye Molwantwa o tlhalositse f... | Dikgang | Dikgang |
Mokamate Sekai se sentle sa maduo a Brigade | Rre Gofaone Mokamate wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe wa Khakhea, o a itshematshemela ka a ithutile tiro ya diatla. Morago ga go pasa ka 28 points kwa Macha College ka 2013, Rre Mokamate a re o ne a ya go tsweledisa dithuto kwa Kang Brigade, kwa a duleng teng ka setlankana sa Trade C, a fetela kwa pele ... | Dikgang | Dikgang |
Mopalamente o kopana le bodiredi | Mopalamente wa Shosong a re Batswana ba solofetse go le gontsi mo go bone mme ebile ga ba na maikaelelo a go ba swabisa ka ba na le keletso e le nngwefela e leng go isa Botswana ko pele. Mopalamente Rre Moneedi Bagaisamang o buile se ka Mosupologo fa a buisa phuthego kwa kgotleng ya Shoshong kwa bokopanong le bagolwane... | Dikgang | Dikgang |
Tlhamo ya mealo ya kgwebo e kgoba banana marapo | Banana ka bontsi ba kgobega marapo go tsena mo dikgwebong ka ntlha ya bothata jwa go dira mealo ya kgwebo. Se se builwe ke morutuntshi wa dikgwebo, Rre Kago Keotshwaetse kwa thutuntshong ya dikgwebo ya banana kwa Palapye bosheng. Rre Keotshwaetse o supile banana ka monwana a re ba boitseme mo go direng dikgwebo mme a b... | Dikgang | Dikgang |
A molao wa leruo o seka sekwe | Modulasetilo wa Badisa Kgomo Society, e leng mokgatlho o o nang le dikomiti tsa twantsho borukutlhi jwa leruo di le masome mabedi le boferabobedi mo mafelong a le mmalwa go ralala dikgaolo tsa borwa, Rre Gofamodimo Maibinyana o ikuetse mo pusong go fetola molao wa leruo. Rre Maibinyana o buile jalo kwa Kanye ka Labone ... | Dikgang | Dikgang |
Modukanele o lekola ditiro tsa ditlhabololo | Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele a re go botlhokwa gore maemelo a dipalamo tsa setshaba a Mahalapye a nne mo seemong se se siameng ka jaaka a diriseditswe madi a mantsi. Rre Modukanele o buile se mo leotong lwa gagwe go lekola maemelo ao a dipalamo tsa setshaba kwa Mahalapye le dit... | Dikgang | Dikgang |
Somarela Matlakala babopi ba tlhwatlhwa | Setlhopha sa bomme ba Motokwe se se itsegeng ka leina la Somarela Matlakala, se ne se lakasela kwa ditshupong tsa Motokwe ka mafelo a beke jaaka maloko a ne a supa botswerere jwa go bopa dinkgo ka pampiri. Fa a bua le BOPA, leloko la setlhopha seo, Mme Ketlhoelwang Moreki o boletse fa ba bone go le maleba go tlhama set... | Dikgang | Dikgang |
Leruo la puseletso le tlhoka tlhokomelo-Lucas | Barui ba Bobirwa ba tshwanetse go tlhokomela leruo le ba sa tswang go le fiwa go emisetsa le le neng la utswiwa la ba la tlodisediwa kwa Zimbabwe. Bogodu joo bo ne jwa tlogela Babirwa ba iphotlhere ba humanegile e bile ba se na boitiro. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Gobojango, ka Mosupologo, Mopalamente wa Bobo... | Dikgang | Dikgang |
Ramasesane o tlhomiwa Kgosi | Tiro ya kgosi e masisi ka e akaretsa go bopaganya morafe go nna seopo sengwe, gore go nne le ledula, kagiso le thokgamo tse di botlhokwa mo tlhabologong tsa motse. Ka jalo go botlhokwa go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo go sa kgathelesege gore ke wa letso lefe, le mokgwa e bile gape a sa lebelela itsholelo ya b... | Dikgang | Dikgang |
Komiti ya balemi e kopa katso | Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Mabolawa, Rre Monkgogi Lenkamile o kopa gore komiti ya bone e atswiwe ka sengwe ka ba dira tiro ba ithaopile. O buile se bosheng kwa masimong a Mabolawa mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi. Rre Lenkamile a re bontsi jwa seb... | Dikgang | Dikgang |
Puso e adimile madi go feleletsa ditiro tsa ditlhabololo | Go tlhalositswe fa puso e adimile P12.5 billion go feleletsa ditiro dingwe tsa ditlhabololo tse di neng di dirwa. Se se tlhalositswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nata/ Gweta Rre Lawrence Ookeditse mo diphuthegong tsa kgotla kwa Maposa le Zoroga bosheng. Rre Ookeditse a re madi ao, a ya go dirisiwa go feleletsa ditiro t... | Dikgang | Dikgang |
'Tiriso ya diritibatsi ga e jese diwelang | Kgolo ya tiriso le thekiso ya diritibatsi ke nngwe ya diemo tse di sa jeseng diwelang kwa Ramotswa. Go methale e le mentsi e e ka dirisiwang go hema diemo le kgolo ya tiriso ya ditagi le diritibatsi, nngwe ya methale e, ke go nna le boeteledipele jo bo nang le boitemogelo jo bo rileng e bile ba ka nna dikao mo go ba ba... | Dikgang | Dikgang |
Baithuti ba rotloeditswe go tlhwafalela dithuto tsa maranyane | Baithuti ba lokwalo lwa boraro ba sekole se segolwane sa Sesholo kwa Tumasera, ba rotloeditswe go tsaya dithuto tsa maranyane ka tlhwaafalo. Ba kgothaditswe jalo bosheng ke bomme ba le bararo ba ba direlang kwa meepong ya Jwaneng le Morupule. Mongwe wa bomme bao, Mme Lesego Kebatsetse yo direlang kwa moepong wa Jwaneng... | Dikgang | Dikgang |
Badiragatsi ba kgothadiwa go ikemela | Mogolwane kwa lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao kwa Tsabong, Mme Dintle Kenosi a re dipalo tsa badiratsi ba ba tsayang karolo mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa dikgaisano tsa botaki le bodiragatsi di gola ngwaga le ngwaga. Mme Kenosi a re badiragatsi ba tshwanetse go fokoletsa puso ditshenyegelo, a ba... | Dikgang | Dikgang |
Ba ngongorega ka tiriso ya lefatshe la mabitla | Go sa dirise lefatshe la mabitla ka kelelelo go kaiwa fa go baya morafe wa Bangwaketse ka fa mosing mo mabakeng a a tshwanang le go tlhaelelwa ke lefatshe le le ka dirisediwang mabitla. Se e ne e le nngwe ya dikgang tse morafe o di buileng o sa kgale mathe mo phuthegong e e neng e buisiwa ke Modulasetilo wa khansele ya... | Dikgang | Dikgang |
Go bulwa ga kgoro ya bojanala kwa Khawa go tlaa ungwela setshaba | Go bulwa ga kgorwana ya lefelo la diphologolo la KD15 gaufi le Khawa go ka oka bajanala mme seo se thuse mo go tokafatseng le go tlhabolola Kopanelo Development Trust. Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o buile jalo bosheng kwa Khawa fa a lekola ditiro tsa ditlhabololo tse di dirwang mo kgaolong eo le go bu... | Dikgang | Dikgang |
Bulb World e abela baithuti ditlhako | Khamphani ya Bulb World e e leng ya banana ba toropo ya Selebi Phikwe e bile e butse madirelo a yone gone mo toropong, e na le maikaelelo a go thusa bana ba ba tlhokang ka go rulaganya lobelo go kokoanya madi. Ba ne ba ikopanya le khansele ya Selebi Phikwe go betla mogopolo wa bone wa lebelo la Zana Charity Run, mme b... | Dikgang | Dikgang |
Ngwao ya go gotsa mo kgotleng e botlhokwa | Kgosi Oageng Mosole wa kgotla ya Raphalane kwa Jwaneng a re ngwao ya go gotsa molelo mo kgotleng e tshwanetswe ya somarelwa ka jaana e na le bokao jo bogolo mo botshelong jwa Motswana. A re jaaka baeteledipele ba morafe, konokono ya tiro ya bone ke go bopa motho le go somarela ditsamaiso tsa ngwao ya Setswana gore e se... | Dikgang | Dikgang |
Khansele e tsaya megopolo ka sekano | Banni ba Etsha 6 ba ntshitse mogopolo wa go re sekano sa khansele ya bone ya Okavango se nne le dilo jaaka tlou go supa bojanala, tlatlana go supa bodiragatsi, mokoro go supa noka ya Okakango, diako tsa mabele go supa temo le tse dingwe. Banni ba ne ba ntsha megopolo mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya ... | Dikgang | Dikgang |
Puso e rometse dingaka le baoki go ikoketsa dithuto | Puso e rometse dingaka le baoki ba le makgolo mararo go ya go ikoketsa dithuto go itebaganya le malwetse a a farologanyeng. Mothusa tona wa Botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Matsitama bosheng. O tlhalositse fa morago ga bolwetse jwa COVID-19 puso e ne ya lemoga fa go le maleba go n... | Dikgang | Dikgang |
Ba boipelego ba kopilwe go tsibogela dikopo | Ofisi ya Boipelelgo kwa Letlhakeng e kopilwe go tsibogela go sekaseka balwetse ka nako fa ngaka e kwaletse molwetse go ja dijo tse di faphegileng, gore molwetse a tokafale ka bonako. Banni ba supile fa mo mabakeng a ngaka e kwaletseng molwetse go ja dijo tse di faphegileng, kopo e tseya lebaka kwa go ba Boipelelgo. Ba... | Dikgang | Dikgang |
Mopalamente o gakolola babereki go itlhatlhoba | Babereki ba dipolasi tsa Tuli Block ba gakolotswe go itlhatlhobela malwetse, segolo bogolo a a sa tshelanweng mme a le borai gammogo le mogare wa HIV/AIDS.Se se builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa Dr Kesitegile Gobotswang kwa letsatsing la botsogo le le tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Sherwood bosheng.Dr ... | Dikgang | Dikgang |
Mohwasa o kopa tirisano mmogo | Tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa o kopile banni ba Mabule go dirisana sentle le makalana a itshireletso. Rre Mohwasa a re seo seka dira gore go nne motlhofo go lwantsha bogodu jo bo diregang mo metseng e tshwana le wa Mabule.O buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Dr ... | Dikgang | Dikgang |
Barolong ba kopilwe go gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng | Mopalamente wa kgaolo ya Good Hope-Mabule Rre Eric Molale o kopile morafe wa Barolong go thusa puso go gasa melaetsa ya ipabalelo tseleng ka maikaelelo a go fokotsa dikotsi tsa tsela. Rre Molale o buile se kwa merapelong ya batho ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya bese kwa Mamatlakala kwa Limpopo, Afrika Bokwa ka tshimo... | Dikgang | Dikgang |
Borre ba rotloeditswe go arogana dikgang le bana | Borreba gakolotswe go bua le bana ba bone ba basimane, ka go ka ba aga, selo se se ka thusang thata mo go fokotseng kgokgontsho ya bong m o go bomme le bana. Go tlhoka go bua le ban aba basimane go na le seabe mo go tlhokeng kutlo ga bone. Se se builwe ke Moshupa Superintendent David Ramoseki fa a buisa phuthego ya pit... | Dikgang | Dikgang |
Mascom e abela dialogane dimpho | Keresemose e tsile pele ga nako mo dialoganeng tse di masome a mararo tse di neng di itlhokoletsa go ya go simolola lokwalo la ntlha kwa sekoleng se se potlana sa Pallaroad, jaaka ba Mascom ba ne ba ba abela dimpho tsa keresemose. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela baithuti ba, mookamedi wa khamphani ya Mascom Mme Dz... | Dikgang | Dikgang |
Direlang Babereki Di Teseletso | Banni ba Gootau ba ba thapileng batswakwa ba kopilwe go direla babereki ba bone dipampiri tsa teseletso tsa pereko. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi, Mopalamente wa Tswapong Bokone, Rre Prince Maele a re puso e tshwentswe ke dikgang tsa batswakwa ba ba berekang mo Botswana e se ka fa molaong.O supile fa pu... | Dikgang | Dikgang |
Ba gakololwa go dirisa Legal Aid | Moeteledipele wa Legal Aid Botswana, mo Kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keene Manyothwane o gakolotse banni ba Hukuntsi go tsibogela ditirelo tsa thuso ya tsa molao tse di fiwang mahala go tswa lekalaneng la Legal Aid Botswana. Rre Manyothwane o supile se fa a buisa banni ba Hukuntsi mo letsholong le le tsweletsweng la leka... | Dikgang | Dikgang |
Bomme ba rotloediwa go emisa lefufa | Bomme ba rotloeditswe go latlha mokgwa wa go fufegelana, go sebana le go nyatsana, ka mekgwa eo e ka kgoreletsa kgatelopele le go diragatsa boikarabelo jo Modimo a ba tshephileng ka jone. Bomme ba ne ba gwetlhwa go emana nokeng gore ba nne le tshiamelo ya go iphataphatela go kgona go tlhabolola matshelo a bone, selo se... | Dikgang | Dikgang |
Baruti ba ikaelela go lwantsha ditagi | Lekgotla la Baruti kwa kgaolong ya Tsabong le ikaelela go lwantsha tiriso ya ditagi e e ileng magoletsa kwa dikoleng. Ke ka moo baruti ba boneng go le botlhokwa go thulanya ditlhogo kwa thuto puisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Khuis bosheng, go tswa ka maele le ditharabololo go fedisa tiriso ya dinotagi e bontsi... | Dikgang | Dikgang |
Ookeditse o rotloetsa dikgwebo go ikemela ka dinao | Mothusa Tona wa Botsogo, Rre Lawrence Ookeditse a re gore phetogo e nne teng mo matshelong a batho, go simologa ka bone ka go dira se se tshwanetseng. O buile mafoko a mo thuto-seka dipuisanyo e e neng e tseneletswe ke banana le bomme ka tshwaragano ya khamphani ya Coca Cola le ofisi ya Mopalamente wa kgaolo ya Goodhop... | Dikgang | Dikgang |
Ba amogetswe ka atla tsoo-pedi | Bana ba masiela ba le masome mane le borataro ba ba neng ba ile tshidilong maikutlo kwa Mmokolodi ba amogetswe ka ’atla tsoo-pedi ke batlhokomedi ba bone kwa kgotleng ya Letlhakeng ka Labotlhano. Mo mafokong a kamogelo, moemela kgosi kwa Letlhakeng, Kgosi Rantsimane Banyatsi o lebogetse tshologelo ya batsadi kwa tirong... | Dikgang | Dikgang |
Banni ba kopa bobega dikgang jwa puso go ikemela | Banni ba Selebi Phikwe ba tlhalositse fa go le botlhokwa gore bobega dikgang jwa puso bo ikemele ka nosi. Ba buile jalo ka Mosupologo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng go tswa kwa ofising ya ga Tautona go tsaya megopolo le go sekaseka melao e e leng teng le go tla ka melawana e mesh... | Dikgang | Dikgang |
Ba Tshesebe ba ikaelela go aga leobo la manobonobo | Morafe wa Tshesebe kwa Bokone Botlhaba o itsolopantse go netefatsa gore kago ya leobo le ba le eleditseng la kgotla e a atlega. Maikaelelo ke go aga leobo la kgotla la manobonobo, le le tlaa bong le na le diofisi tse pedi, ntlo lehalahala, ntlo ya boapeelo, le matlwana a boitiketso a le mane nngwe e le ya ba-na-le bogo... | Dikgang | Dikgang |
Khansele e tlaa rotloetsa bagwebi ba ditena | Khansele ya Gaborone e tlaa reka ditena tse di forongwang kwa letamong la Gaborone go aga dikago dingwe tse di mo lenaneong la ditogamaano tsa dilthabololo. Go buile jalo mopalamente wa Gaborone Botlhaba, Rre Dumezweni Mthimkhulu kwa bokopanong le badiri ba ditena tseo bosheng. Rre Mthimkhulu a re seo e tlaa bo e le ma... | Dikgang | Dikgang |
Dikotsi tsa tsela di ama itsholelo | Bakgweetsi le setshaba ka kakaretso ba gakolotswe go ikgapha mo dikotsing tsa tsela mo malatsing a boitapoloso ka dikotsi di ama itshololelo ya lefatshe gammogo le malwapa. Dikotsi tsa tsela tse di aparetseng lefatshe leno ka bophara di tlogela batswa setlhabelo ka dikgobalo tsa sennela ruri, ba sa kgone go itirela sep... | Dikgang | Dikgang |
Tlhaelo ya metsi kwa Sefhope e ya bokhutlong | Tona wa Tlhabololo Lefatshe le Phatlalatso ya Metsi, Dr Kefentse Mzwinila a re tlhabololo ya phatlalatso ya metsi kwa Sefophe e tla tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi wa motseng oo. Dr Mzwinila o buile se, kwa tshimolodisong ya phatlalatso ya metsi a a tlhatswitsweng kwa Sefophe bosheng. Koporase ya metsi e ne ya tsen... | Dikgang | Dikgang |
Masisi o kgala kgokgontsho ya bong | Go botlhokwa go akantshanya ka dikgwetlho tse di apesitseng lefatshe la Botswana kobo ka letshoba jaaka, kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya bana, banana ba ba dirisang ditagi le bana ba ba imang ba le kwa dikoleng. Mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi o buile se kwa Tsabong Ecotourism Camel Park ka mafelo a b... | Dikgang | Dikgang |
Bale o itshetsa ka peanut butter | Mme Cathrine Bale go tswa kwa kgaolwaneng ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe ke sekai sa mme yo o neng a seka a letlelela diemo tsa botshelo go mo gatelela ntswa go ne go sena kwa a tshwarang teng. Ya re go lemoga letlhoko la ditiro le le kwa godimo o ne a supa kgatlhego ya go dira peanut butter go fokotsa manokonoko a le... | Dikgang | Dikgang |
Banni ba Gojwane le Serule ba lela ka letlhoko la metsi | Banni ba Gojwane le Serule ba lela ka letlhoko la metsi. Ba buile se fa ba lekodisa Mopalamente wa bone wa Serowe Bokone ka labobedi. E rile a ntsha pego ya gagwe, modula setilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Gojwane, Mme Mogogi Khumo a re ba na le tlhaelo ya boroko jwa badirela puso, e bile badirela puso ba th... | Dikgang | Dikgang |
Balebeledi ga ba jesiwe diwelang ke bomaipaafela | Balebeledi ba lefatshe ba kgaolo ya Shoshong ba tshwenngwa ke ba ba tsweletseng ka go ipaya lefatshe ntle le kitso ya lephata la kabo ditsha. Ba re se se tla ka dikgwetlho le go baka dikgotlhang. Ka jalo ba kopile ba kabo ditsha go potlakela dikgang tsa mofuta o, go itsa diphapang. Ba buile jaana kwa thutopuisanyong e ... | Dikgang | Dikgang |
Malome o beteletse setlogolo | Mapodisi a Tsabong a tshegeditse monna mongwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le go betelela ngwana wa ga kgaitsadie yo o dingwaga tse di lesome le bone. Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Tsabong, Assistant Supurintendent Monnathebe Mphela, tiragalo e, e diragetse ka makuku a Laboraro kwa kgotleng ya Bog... | Dikgang | Dikgang |
Metse e tlaa bona ditlhabololo | Dingwe tsa ditlhabololo tse banni ba ka di solofelang kwa kgaolong ya botlhophi ya Boteti Botlhaba mo dingwageng tse pedi tse di tlang di akaretsa dikokelwana le kago ya ditsela tsa mo gare ga motse. Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo eo yo gape a leng mothusa-tona wa lephata la botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe kwa ... | Dikgang | Dikgang |
Ba Moshaweng ba kopa tsela | Banni ba Moshaweng kwa kgaolong ya Letlhakeng ba re ba na le tsholofelo ya gore tsela ya Molepolole-Moshaweng go fetela kwa Jwaneng e tlaa dirwa mo pusong e ntsha. Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse oo Kgosi Kegobonye Maruping kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Brigadier Domcaz... | Dikgang | Dikgang |
Modulasetilo o rera tshwaragano | Modulasetilo wa Botswana Cooperative Association (BOCA), Rre Thatayotlhe Mpule a re ditlhopho tsa khuduthamaga ya lekgotla di tlaa tshwarwa ngwaga o o tlang. Rre Mpule o buile se kwa bokopanong jwa dikoporase, jwa malatsi a mararo jo bo sa tswang go wela, jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun. Bokopano jo, bo ne bo phuthi... | Dikgang | Dikgang |
Motlhala wa lenaneo o a bonala | Banni ba metse e e mo kgaolong ya Serowe ba tlhalositse fa lenaneo la Mindset Change le le nang le ngwaga le fetotse ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng, selo se se ba butseng matlho gore ba seka ba baya fela mo go direlweng ke puso. Banni ba, buile se kwa Moiyabana ka Laboraro, jaaka ba ne ba kopane go itsaya motlhal... | Dikgang | Dikgang |
Lephata la metsi le tlhalosa ditirelo | Batswana ba tshwanetse go itlwaetsa go etela kwa diofising tsa lephata la metsi le kgopho metsi a a leswe go ithuta ka ditirelo tsa bone botoka, go itsa go felela ba tlola molao mabapi le metsi. Mogolwane go tswa mo ofising ya lephata la metsi le kgopho ya metsi a a leswe mo Tsabong, Rre Phillimon Nguazireko o kgothadi... | Dikgang | Dikgang |
Ngwana o thudilwe ke koloi | Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le bone a thudilweng ke koloi. Go ya ka mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Johnson Gaolaolwe mo potsolosong maabane, mapodisi ba ne ba begelwa tiragalo eo mme ba ragogela kwa tiragalo e diragets... | Dikgang | Dikgang |
Serowe college e ipelela ngwao | Mookamedi wa tsa ngwao le tlhabololo ya tsa boitlhamedi kwa National Arts Council, Mme Obenne Mbaakanyi o rotloeditse Batswana go gatisa tsotlhe tsa ngwao tse ba nang le tsone ka di kgona go ba thusa go tlhabolola matshelo a bone. Mme Mbaakanyi o ne a bua jalo mo Serowe ka Labotlhano jaaka fa ba sekole sa ithutelo boru... | Dikgang | Dikgang |
KBL e abetse malwapa a le lekgolo dijo | Khamphani ya Botswana Kgalagadi Breweries (KBL) e abetse malwapa a le lekgolo mephuthelwana ya dijo le mesangwana ya bomme ka letsatsi la mafatshefatshe la nyeletso lehuma kwa Palapye. Go tlhalositswe fa dimpho tseo di le maleba ka jaana di tsile ka letsatsi la mafatshefatshe la nyeletso lehuma le le ketekwang ka Phala... | Dikgang | Dikgang |
Ba Lorolwane ba ngongorega ka boitshwaro jwa baoki | Tona wa Mafatshe a Sele Dr Lemogang Kwape o laetse bagolwane ba setlhopha sa ditirelo tsa botsogo (DHMT) sa kgaolo ya borwa go tlhotlhomisa dipego tsa maitsholo a a fatlhang a baoki ba kokelwana ya Lorolwane. Fa a bua kwa bokopanong jwa setlhopha seo jwa go isa ditirelo tsa botsogo kwa banning ba motse ka Labobedi, Dr ... | Dikgang | Dikgang |
End of preview. Expand in Data Studio
README.md exists but content is empty.
- Downloads last month
- 22